Fatshe la rona

1. Fatshe leno la rona,
Ke mpho ya Modimo,
Ke boswa jwa borraetsho,
A le nne ka Kagiso.

Chorus:
Tsogang, tsogang! banna, tsogang!
Emang, basadi, emang, Tlhagafalang!
Re kopaneleng go direla
Lefatshe la rona.

2. Ina lentle la tumo,
La chaba ya Botswana,
Ka kutlwano le kagisano,
E bopagantswe mmogo.

Chorus

‹ back to Africa