Lefatshe la borrarona

1. Lefatshe leno la borrarona
Re le abetswe ke Modimo
Kwa ntle ga tshololo ya madi
‖: A re lebogeng, a re ipeleng :‖

2. Lefatshe leno la borrarona
Re le abela matshelo a rona
Re tla le fufulelelwa
‖: Sethitho se fetoge madi :‖

3. Lefatshe la kgomo le mabele
Boswa jwa rona ka bosakhutleng
Ramasedi a le dibele
Re tshele mo go lone
Ka pabalesego

4. Modimo tshegofatsa fatshe le
Go rene kagiso le kutlwano
Tshegofatsa Setshaba sa rona
Le yone Puso ya rona
Go ntsha maungo a a tshedisang

‹ back to Africa